Svoboda | Graniru | BBC Russia | Golosameriki | Facebook
Jump to content

Poko

Go tswa ko Wikipedia
poko

Poko ke mofuta wa bokwadi kgotsa bodiragatsi jwa puo jo bo rulagantsweng ka botswerere le botlhakga  jo bo lekaneng go kgatlha tsebe, ke tsela e mmoki a tlhagisang maikutlo a gagwe ka yona.

Mmoki a ka tswa a kgala kgotsa a tlotlomatsa sebokiwa.

Gantsi o boka diphologolo, dikgosi, batho, mafelo, dikgotla, lefatshe, merafe kgotsa ditiragalo, ditiro le dilo ka kakaretso.

Mefuta ya poko:

[fetola | Fetola Motswedi]

Poko ya segololo, ya magareng, le ya segompieno.

Poko ya segololo e ne e sa kwalwe.., e gantsi e ne boka dikgosi, dintwa, dikgotla, dibatana, lefatshe le dilo tse dingwe.

Mmoki o ne a theoga, a elela fela jaaka metsi, a bua se se mo kelelong le temeng ya gagwe go kaya maikutlo a seo a bokang ka sona.

Ya magareng, ke fa dikwalo di simolola go tlwaelesega, dingwe 'ne di kwalwa, fa dingwe di ne di sa kwalwe.

Ke fa tshimologo ya botsweretsi le bosekaseki bo bo tseneletseng bo ne bo simolola go ata. Baboki ba ne ba simolola go nna botlhale.

Ya segompieno yona gantsi e a kwalwa, e bile e na le tshekatsheko e e tseneletseng.

E kwalwa ka mela le  ditemana.

Baboki ba boka sengwe le sengwe, le mongwe le mongwe jaaka fa lefatshe le tsweletse go gola.

Diponagalo tsa poko:

[fetola | Fetola Motswedi]

Mothofatso, tshwantshanyo, tshwantsiso, enjambamente, sesura, sesetete, pheteletso, papiso, maetsi, tlhatlagano ya mafoko, tshekagano ya mafoko, moribo le morethetho.

[1][2][3] e dirisa metlhale ya puo e tlhophilweng sentle jaaka—go buega ga mafoko le bokao jwa go  ga mafoko—ele motlhale wa go neela puo bokao jo nako e ngwe eseng jo bo tlwaelesegileng mo puong.Ke maikutlo a a senolwang ke mmoki. Poko ke ke leina le le tswang mo lediring 'boka'

Poetry has a long history, dating back to the Sumerian Epic of Gilgamesh. Early poems evolved from folk songs such as the Chinese Shijing, or from a need to retell oral epics, as with the Sanskrit Vedas, Zoroastrian Gathas, and the Homeric epics, the Iliad and the Odyssey. Ancient attempts to define poetry, such as Aristotle's Poetics, focused on the uses of speech in rhetoric, drama, song and comedy. Later attempts concentrated on features such as repetition, verse form and rhyme, and emphasized the aesthetics which distinguish poetry from more objectively informative, prosaic forms of writing. From the mid-20th century, poetry has sometimes been more generally regarded as a fundamental creative act employing language.

  1. "Poetry". Oxford Dictionaries. Oxford University Press. 2013. Archived from the original on 2013-06-18. Retrieved 2015-05-20.
  2. "Poetry". Merriam-Webster. Merriam-Webster, Inc. 2013.
  3. "Poetry". Dictionary.com. Dictionary.com, LLC. 2013—Based on the Random House Dictionary{{cite web}}: CS1 maint: postscript (link)